Description
Buka e, e ka itumelela ke barutwana mmogo le baithuti gonne ke poko e e ka ba fatlhosang fa ba ntse ba le mo tseleng e e ba isang kwa isagong. Poko e e bua thata ka ditiragalo tse re tshelang mo nakong ya tsona. Bakwadi ba a ruta, ba a kgalemela, ba a laya e bile gape ba go tsibosa o le mmuisi. Poko e re ruta go boela kwa meding ya rona, gonne fa re sa boele kwa setsong sa rona re tla timela. Buisa mme o je monate wa puo ya Setswana.






Reviews
There are no reviews yet.